Breaking News

Kokelo ya Ghanzi e shafaditswe

25 Jan 2022

Khamphani ya Moepo ya Sandfire, e e weditseng go  shafatsa  kokelo ya Ghanzi e kgologolo,  e roletse bogogi jwa kokelo eo dikago ka Labotlhano.

Fa a bua kwa go roleng kokelo eo e e tlaa amogelang balwetse ba ba tshwarwang ka mogare wa corona, motshwarelela mogokaganya ditirelo tsa botsogo mo kgaolong ya Ghanzi, Dr Kebatshabile Mosheti o boletse fa tiro ene e tshwaraganetswe ke puso le moepo wa Sandfire.

O tlhalositse fa  puso e dirisitse madi a a fetang P2m, fa madi a a tshwarang P500 000 a tswa mo letloleng la  ditlhabololo tsa metse mme khamphani ya Sandfire  ya dirisa madi a  a fetang P300 000.

Dr Mosheti a re go shafadiwa ga kokelo eo go bakilwe ke tlhagogo ya bolwetse jwa COVID-19, jo dipalo tsa balwetse ba jone di neng tsa  tsitsa letlhoko le le ntsi la go ka amogela balwetse mo kgaolong.

O ne a akgola baithuti ba tiro ya diatla ba Ghanzi, Maun le Kang Brigade ka tiro e ba e dirileng, a re seo se thusitse thata ka ba sa dirisa madi a mantsi go duela baagi. Motshwarelela mogokaganyi o ne a re le fa dikago tsa kokelo di wetse ba santse ba kopa  bagwebi  go tsenya letsogo ka ditiro dingwe di santse di tlhoka go dirwa jaaka bodilo go thibela lerole go reka ditilo, ditafole le matlhabaphefo.

O ne a kgothatsa morafe go nna le seabe mo ditirong tse dingwe, bogolo jang mo nakong eno ya COVID-19 ka puso e ka seke e kgone e le esi. 

Fa a amogela mpho eo, mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Johane Thiite o ne a akgola ba Sandfire le dikole tsa tiro ya diatla tsa Gantsi, Kang le Maun go bo ba tsentse diatla mo tirong eo. 

O ne a leboga morafe wa Ghanzi go mo letlelela go ntsha taolo ya gore madi a ditlhabololo a kgaolo a  dirisiwe mo tirong eo.

Mopalamente o ne a akgola Sandfire a ba a ba kopa go tswelela ka go dira ditiro tse dingwe mo kgaolong, a supa fa keletso ya bone e le go tlhabolola  dikago tse di leng teng mo kgaolong gore di  tsenngwe gape mo tirisong . BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Go rolela kokelo

Date : 25 Jan 2022