Breaking News

Therisanyo konokono mo go atoloseng ditlhabololo - Autlwetse

25 Jan 2022

Banni ba Tshane ba gakolotswe go nna le mowa wa therisanyo, o o ka ba kgontshang go bopa ditlhabololo tsa motse wa bone ka manontlhotlho.

Go kopile jalo mothusa tona wa pele wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla mabapi le tiego ya kago ya leobo la kgotla kwa motseng oo bosheng.

Rre Autlwetse a re go le gantsi ba lemogile gore motheo wa ditlhabololo tsa metse o kgorelediwa ke go tikana ka noga e utlwa ga banni.

Ka jalo o ne a ba kopa go kgaphela kwa thoko dipharologanyo tsa bone, mme ba tsepame mo go se se tshwanetseng, ka e bile go tsile go solegela  dikokomana tsa bone molemo.

 Rre Autlwetse o ne a gakolola banni gore fa ba sa ikele tlhoko, seemo sa go kubetsana se tsile go ba baya ka fa mosing, fa metse e mengwe mo tikologong e tlhabologa. O ne a ba gakolola gape gore ba ele tlhoko gore ditlhwatlhwa tsa didirisiwa  tsa kago di oketsegile le letlhoko la madi le teng, ka jalo ba fefose tumalano ya go fudusa leobo go ya kwa lefelong  le le phuthologileng.

Mo go tse dingwe, o ne a ba rotloetsa gore ba itshwaraganye le baitseanape ba tsa kabo ya lefatshe ga mmogo le ba dikago go thusa ka bogakolodi gore ba tlhome leobo fa go siameng teng.

 A re bogakolodi joo, bo tlaa ba thusa ka mofuta wa dirisisiwa tse di nang le boleng, gore kago e nne ya sennelaruri go boloka madi a puso.

 O ne a ba kopa gore e le banni ba Tshane ba thulantshe ditlhogo ba tswe ka megopolo ya gore leobo le legologolo ba ka le dirisetsa eng ka le tlaa bo le se mo tirisong gore le seka la ija fela. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Bojosi Motshoge II o ne a supa fa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka lefelo le ba tshwarelang diphuthego tsa kgotla mo go lone.

A re se se tla morago ga gore leobo le ntseng ba le dirisa le gosomane, mme e bile gape le ne le le lennye.

 Fa ba tswa la bone, banni bangwe ba ne ba le kgatlhanong le phuduso ya leobo ba dumela fa ba tlaa bo ba rutlolola se se thailweng ke  mabutswapele a motse.

 Le fa go le jalo, bontsi bo ne jwa dumalana gore go tlogelwe go nkgisanwa magwafa ka kgang ya leobo, mme le fudusediwe kwa go siameng teng.

Ba ne ba tlatsa ka go sutisa gore leobo le legologolo lone e tla nna  letlotlo le le sireleditsweng, go boloka ditso.

Mo mafokong a gagwe  a malebo, mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, o ne  akgolela morafe megopolo, a supa fa phuthego eo, e tshwerwe ka nako e e maleba ka jaana palamente e ipaakanyetsa  kgaogano ya madi a setshaba.

 Ka jalo, a re kago ya leobo e tlaa sekasekelwa go ka tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo tsa monongwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Tshane

Event : Phuthego

Date : 25 Jan 2022