Breaking News

Tsayang mokento wa tlaleletso

24 Jan 2022

Mothusa moeteledipele wa setlhopa se se tlhomilweng ke Tautona go lwantsha COVID-19 Prof. Mosepele Mosepele o kopile setshaba go iketleeletsa go tsaya mokento wa tlaleletso.

Mo potsolosong bosheng, Prof. Mosepele o ne a re ope fela yo o tsereng mekento yotlhe ka bobedi ba tshwanetse ba tseye mokento wa tlaleleletso. 

O ne a tlhalosa gore batho ba ba kentilweng ka Pfizer ba na le kgwedi tse thataro ba ntse ba kentilwe, fa ba ba kentilweng ka wa moderna ba fitlile dikgwedi tse pedi, ba Johnsons & Johnson dikgwedi tse pedi, ba AstraZeneca tse tlharo fa ba Sinovac e le tse tlhano, mme tshwanelo ke gore ba ye go tsaya mokento wa tlaleletso.

Prof. Mosepele a re mo mokentong wa tlaleletso, go dirisiwa Pfizer le Moderna, a tlatsa ka go re go kenta go tlaa tsamaelana le nako e ba neng ba kentwa.

O ne a re mogare o tsamaya o fetoga, o iphetola mo tsamaong ya nako, a re gongwe go ka nna le mokento o mongwe wa tlaleletso. A re mokento wa tlaleletso o botlhokwa gore e re mogare o ka tshogana o oketsega, o fitlhele masole a mmele a emetse tlhabano sentle.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Dr Mogomotsi Matshaba o ne a kopa botsadi go bula dipelo go letlelela bana ba dingwaga tse di lesome le bobedi go ya kwa go lesome le bosupa go tsaya mokento wa COVID-19.

Dr Matshaba o kgothaditse botsadi gore ba seka ba nna kgatlhanong le gore bana ba bone ba tsee mekento, a tlatsa ka go re mokento wa COVID-19 o tshwana fela le mananeo a mangwe a mekento ya bana ya botsogo jaaka o o fiwang bana ba ba fatlhogang go ba hemela mo malwetseng ka go farologana. 

O ne a tlhalosa fa mekento e setse e sekasekilwe mme e se borai mo matshelong a bana.

Ka moo o ne a tlhalosa gore ga go na mokwalo ope o o tla dirwang ke dikole.

A re mekento eo e siriletsa bana, a tlatsa ka go re ope yo o kgatlhanong le one o ka fa mabaka a ikopantse le ba booki.

Dr Matshaba re bana ba ba seng mo sekoleng, ba ye go kenta kwa dikokelong tsa puso le mafelo ape fela a go kentelwang teng. 

A re fa batho ba ka tsaya mokento wa tshireletso botlhe, manokonoko a bolwetse jwa COVID-19 a ka fokotsega.

A re mo bogompienong mokento o o teng wa bana ke wa Pfizer, mme a re mokento o sekasekilwe ka lebaka.

Mo go tse dingwe o ne a re legato le le latelang ke la go ipaakanyetsa go kenta bana ba dingwaga tse tlhano go ya kwa lesome le motso. 

O ne a tlhalosa fa bana ba ngwaga e le nngwe go ya kwa go bone, go sena gope kwa ba kentiwang teng lefatshe ka bophara. O ne a kopa setshaba gore se seka ba itebala se tsaya gore mogare o fedile mme se tswelele ka go itshireletsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Interview

Date : 24 Jan 2022