Mokgatlho o itlama go ruta ka bodiphatsa jwa motsoko
24 Jan 2022
Ba mokgatlho wa Stop Smoking Tobacco ba itlamile go tswelela ba ruta Batswana ka bodiphatsa jwa go goga motsoko le ditlamorago tsa one.
Se se tla morago ga maitemogelo a gore bolwetse jwa COVID-19 bo tsweletse ka go anama le go gapa matshelo a batho, segolo bogolo go amega thata ba ba gogang motsoko ka jaana o ama le go koafatsa mafatlha a bone.
Mokgatlho oo, o ne wa bolotsa letsholo go ruta ka bodiphatsa jwa go goga motsoko kwa Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng bosheng.
Mogolwane wa mokgatlho oo, Rre Odirile Thamage, o ne a supa fa e rile bolwetse jwa COVID-19 bo tswelela ka go gapa matshelo a batho, ga emisiwa thekiso ya motsoko ka ntlha ya gore o ama mafatlha.
Mo go la gagwe, Sergent Brenda Ngaka wa sepodisi sa Botswana kwa Takatokwane, o ne a supa fa tiriso ya ditagi e ba apesitse kobo ka letshoba kwa motseng oo.
Sgt. Ngaka o tlhalositse fa se se ama tiro ya bone ka dinako tse dingwe ba kgaupediwa go dira ditlhotlhomiso ka ntlha ya go bilediwa dikgang tsa tshoganyetso e le dikgang tsa dino le ditagi.
O tlhalositse fa bana ba motse oo ba a nwa bojalwa e bile ba dirisa le ditagi ba sale bannye, a supa fa bangwe ba felela ba betelelwa ba le mo sediding sa dino, mme ba felele ba tswala dikgang tsa bone ka ntlha ya fa ba sa itse yoo ba beteletseng.
O tlhalositse fa ba na le dikgang tsa petelelo di le lesome le borobabongwe, mme tse thataro di tswetswe ka ntlha ya go tlhoka bosupi.
O supile gape fa bangwe ba tlhakanya ditagi le dipilisi mme ba felele ba thopa bana ba basetsana ba ba isa kwa ba ratang teng.
O boletse gape fa bana ba Takatokwane ba tswa mo sekoleng go sa re sepe fela, a bo a tlhalosa gape fa batsadi bangwe ba tlogela bana ba bannye go tlhokomela bomonnaabone fa bone ba ile bojalweng.
O supile fa go ikgatholosa bana ba bannye e le molato o motsadi a ka o sekelang a bo a o ela kgolegelong.
E ne e rile a amogela baeng kwa letsatsing leo, Kgosi Selotlego Tsiane wa Takatokwane a supa fa ba le lesego gore ba Stop Smoking Tobacco ba etetse motse wa bone go tla go ba ruta ka bodiphatsa jwa motsoko.
O supile fa go le botlhokwa gore molaetsa oo o nne o fetisiwa le kwa dintshong fela jaaka go dirwa ka bolwetse jwa COVID-19.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Takatokwane
Event : Phuthego
Date : 24 Jan 2022