Puso e tlaa rarabolola tlhaelo ya metsi....a
24 Jan 2022
Mopalamente wa Nata/Gweta, Rre Polson Majaga a re puso e tsere tshwetso ya go emisa batho ba ba neng ba abetswe ditsha tsa temo kwa lefelong lengwe kwa Dukwi, go sutela kepo ya didiba tse di tlaa nosang metse mengwe mo kgaolong eo.
Rre Majaga o boletse jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Dukwi ka Labotlhano.
A re Batswana ba ntse ba lela ka letlhoko la metsi, a tlhalosa fa P200 million a tlaa thusa mo tirong eo ya Sowa Master Water Plan.
A re ka matamo a sa ikanngwe ka dinako tsa leuba le komelelo a a kgala, kepo ya didiba tseo e tlaa ba tla matshediso.
O tlhalosa gape fa balemi ba ba amegileng ba tlaa sekasekelwa lefelo lengwe.
Mogolwane wa koporasi ya metsi, Rre Nelson Morotsi a re moalo wa Sowa Master Water Plan o dirilwe, mme jaanong go mo legatong la go ikopela tiro.
Rre Morotsi a re tiro eo, e solofetswe go simolola ka Mopitlo, mme e tlaa wediwa ngwaga o o tlang ka Moranang.
A re tiro eo e tlaa bo e akaretsa kago ya tanka e tona mo motseng, e e tlaa thusang e e teng gore e kgone go siela metse e mentsi metsi.
Mopalamente Majaga o supile fa a tshwenyegile ka go salela morago ga mananeo mangwe a ditlhabololo, a a neng a dirwa ka madi a ditlhabololo a kgaolo a P10 million.
A re mananeo a le mararo, a a dirilweng ka lenaneo leo ka 2017 ga gona lepe le le weditsweng.
A re selo seo se a ama ka e bile tona wa madi le ditogamaano tsa ditlhabololo o boletse gore ga a na go golola madi ao fa mananeo a sa wediwe.
Rre Majaga o kopile ba ba tsamaisang mananeo ao go bona gore tiro e a dirwa, e bile e fela ka nako e e beilweng.
Banni ba Dukwi ba ne ba lela ka lenyora le ba supileng fa ba tswa kgakala ba ikuela mme go se thuso e ba e bonang.
Mongwe monni wa motse, Rre Thato Maswabi a re kgang ya go sielwa metsi ka thulaganyo ya Sowa Master Water Plan e tswa kgakala kwa go 2004 mme nako kgolo ke eno.
Rre Maswabi o kopile gore e re ba sa ntse ba letile thulaganyo eo, go nne le thuso nngwe e ba ka e fiwang.
Mo pegong ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Boenyana Lesole a re metsi a teng mo motseng, mathata a tlhaela go goroga kwa bathong ka tanka e e teng e le nnye mme motse o aname.
Rre Lesole o ne a ikuela ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng le medumo e a reng ga e robatse batho.
Mokhanselara wa Dukwi, Rre Thatayaone Kehitile a re go tlhoka go lebelela ditiro ga ba ba lebaneng, ke gone mo go dirang gore ditiro dingwe di felele di saletse morago kana di sa wediwa.
Rre Kehitile a re ba ne ba solofetse gore P1.3 million yo o neng a sala mo mading a kgaolo, o tla dirisiwa go phatlalatsa metsi mo motseng ka batho ba bolawa ke lenyora.
Rre Majaga a re P1.3 million yoo o tlaa dirisiwa go tlhabolola kwa lefelong la boremelelo jwa ditirelo kwa Nata le go shafatsa sekole sa bananyana gone kwa koo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Dukwi
Event : Phuthego
Date : 24 Jan 2022