Breaking News

Balemi ba a ngongorega

24 Jan 2022

 Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa masimong a Segakwana mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Borwa, Rre Chedza Ntshambiwa a re ba tshwenngwa ke tsamaiso e e dirwang ke balebeledi ba lefatshe mo kgaolong.

O buile jaana ka Labone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Leepetswe Lesedi. 

Rre Ntshambiwa a re bone e le balemi ga ba sa tlhole ba itse gore tota go diragala eng ka kabo ya ditsha tsa masimo. 

A re lefatshe le tserwe mo go bone mme gape go eta go nna le peo ya masimo e e seng ka fa tsamaisong.

O ne a a supa gore balebeledi ba ba kgona go supela motho a le kwa kgaolong e e seng ya bone, le gone ba sa ya go bona fa motho a kopang teng le go tlhola gore a o buisane le ba a eletsang go bapa le bone.

Selo se a re se baka seemo se go felelang batho ba tlhatlagantswe golo go le gongwe fela ba le bantsi, ka jalo a kopa mopalamente go thusa. 

O bile a lekodisa mopalamente gore mo kgaolong ba na le matamo a mantsi mme balemi ga ba a tlhokomele le ntswa a ba thusa ka metsi a leruo. 

Rre Ntshambiwa o ne a supa ngongora mabapi le balemi a re ga ba tlhokomele leruo. 

A re ba tlogela leruo le senya dijalo tsa batho mo masimo.

E rile a tswa la gagwe, Rre Lesedi a ba kopa go tlhokomela leruo gore le seka la senyetsa ba bangwe ka gore go dira jalo go ka baka kgotlhang fa gare ga balemi.

A re bogologolo go ne go disiwa, ka jalo tshenyo ya leruo e se kalo. Mopalamente o ne a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng. 

O ne a ba bolelela gore ba fetisitse melao-kakanyetso e le masome mabedi le motso e e emetseng gore Tautona a e bee monwana gore e nne melao.

Mopalamente a re mengwe ya melao eo ke ya kgogo le thekiso ya motsoko, le ya phetolo ya maina le difane. 

Rre Lesedi a re motsoko ga o na go tlhola o rekwa o le mongwefela mme o tlaa rekwa ka dipakete le gone ga o na go tlhola o gogelwa gongwe le gongwe ka gore go dira jalo e tlaa bo e le molato o motho a ka o sekelang.

A re motho fa a sa batle leina o ka tla le basupi a le fetola. 

O bile a ba lekodisa ka lekoko le le tlhomilweng ke Tautona la patlo-maikutlo ya go baakanya molao-motheo wa lefatshe, mme a ba kopa go nna le seabe mo tirong eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : Serowe

Event : Phuthego

Date : 24 Jan 2022