Breaking News

Paakanyo molao-motheo e tlhoka seabe sa botlhe

23 Jan 2022

Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Serowe Borwa ba rotloeditswe go nna le seabe mo tshekatshekong ya molao-motheo wa Botswana e e tlang.

 

Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o ntshitse thotloetso eo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa ka Laboraro.

 

Mopalamente Lesedi o ba kgothaditse gore ka malatsi a patlo-maikutlo mabapi le go sekaseka molao-motheo, ba tle ka makatlanamane go tla go ntsha maikutlo a bone, gore e re kamoso ba seka ba re ba tlogetswe kwa ntle.

 

Rre Lesedi o boletse fa e le tshwanelo ya bone go ntsha megopolo e ba bonang e le maleba. O bolela fa puso ya batho ka batho e sa kgetholole ope, e efa mongwe le mongwe go nna le seabe mo mererong ya tsamaiso ya lefatshe.

 

Mopalamente Lesedi o ne a itsese morafe ka melao e e fetisitsweng kwa palamenteng. 

 

O boletse fa ba fetisitse melao kakanyetso e le masome mabedi le motso, mme mengwe ya yone ke go laola thekiso le kgogo ya motsoko.

 

O boletse fa go sena go rekwa motsoko ka bongwe ka bongwe, mme go rekwa ka bontsi ka dipakete, a re go ya go gogelwa fela mo mafelong a a faphegileng, gore mosi wa motsoko o seka wa ama ba ba sa gogeng.

 

Molao-kakanyetso o mongwe ke wa tshwanelo ya bana, a bolela fa bana ba sa tshwanela go kgokgontshiwa. 

 

A re ngwana ga a a tshwanela go ketekwa go twe o a otlhaiwa. A re o tshwanetse go kgetlelwa thupanyana fela a bo tsenngwa mo tseleng.

 

O buile gape ka molao-kakanyetso wa petelelo, a bolela gore go na le bomme bangwe ba ba betelelang, mme go se gantsi ba bega kwa molaong. 

 

O tlhalosa gore se se ngomolang pelo gape ke gore go na le borre ba ba betelelang masea le bagodi.

 

Fa ba mo kgwa dikgaba, bontsi bo supile fa bo ratile therisanyo ya gagwe, ba bolela fa ba ntse ba emetse gore molao-motheo o lejwe gape, go bonwe tse di maleba le tse di seng maleba. 

 

Ba bolela fa therisanyo e le konokono mo pusong ya batho ka batho.

 

Ba lebogetse puso go bo ba lephata la Botsogo le Boitekanelo ba ne ba sa ipone tsapa go kentela batho mogare wa corona. 

 

Ba kopile gape gore go okediwe palo ya batho ba ba berekang mo Ipelegeng ka gore bangwe ba direla kwa masimo. 

 

Ba ngongoregile gore fa e sale go duwa kwa ditlhophong tsa setshaba, ga ba ise ba bone mokhanselara le fa e le ka le le kailweng.

 

Ba kopile mopalamente go bua le ene ka kgang e.

 BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego

Date : 23 Jan 2022