Breaking News

Motsoko o diphatsa mo botsogong

23 Jan 2022

Motsoko ke sengwe sa dilo tse di di gogang kwa pele mo go tsenyeng malwetse a a sa tshelanweng.

 

Se se boletswe ke mogolwane mo lekgotleng National AIDS and Health Promotion Agency, Rre Ephraim Rapalai kwa Takatokwane bosheng.

 

Rre Rapalai o tlhalositse fa motsoko o tsenya malwetse a tshwana le kankere, go swa mhama, go hema ka thata le go hupela, malwetse a pelo, malwetse a meno le gone go latlhegelwa ke kutlo le pono.

 

O tlhalositse fa puso e ne ya dira lekalana le le itebagantseng le dikgang tsa motsoko  ka 1987, mme ka 1992 ya dira molao wa motsoko.

 

O supile fa dipatlisiso di supa fa batho ba le lesome le borobabongwe mo lekgolong ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya go tse di masome marataro le borobabongwe ba goga motsoko.

 

O kaile gape fa 19.4 per cent ya bana ba dingwaga tse di lesome le boraro go ya kwa go tse di lesome le botlhano ba goga motsoko.

 

O kaile fa batho ba le eight million mo lefatsheng ka bophara ba tlhokafala ka ntlha ya malwetse a a tlhotlhelediwang ke motsoko.

 

O ne a supa gape fa ngwaga le ngwaga dikhamphani tse di dirang motsoko di tsenya motswako o o borai. O boletse fa motsoko o le borai ka o ama dikarolo tsotlhe  tsa  mmele.

 

O supile fa bagogi ba motsoko ba tshabelelwa ke go hupela, mme fa ba tsenwe ke COVID-19 go nna motlhofo gore o ba gapele botshelo.

 

A re motsoko o na le dikgwetlho ka jaana bontsi jwa one o tsena mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane, se se raya gore barekisi ba one ba o rekisa o sa kgethelwa, o na le ipapatso e e seng ka fa molaong le gone gore Batswana ga ba itse kamano ya one le malwetse a a sa tshelanweng.

 

Mogolwane go tswa kwa Anti-Tobacco Network,  Rre Thabo Katlholo, o ne a supa fa motsoko o bolaya batho go feta dikotsi tsa tsela le bolwetse jwa AIDS di kopanye.

 

O supile fa motsoko o bolaya batho ba le 1 500 ngwaga le ngwaga mo Botswana.

 

Rre Katlholo o tlhalositse fa batho ba feta 2 000 ba goga mo lefatsheng leno, a bo a supa fa batho ba le 2 584 ba bolailwe ke COVID-19.

 

O tlhalositse gape fa molao o tlama gore fa motho a gogela motsoko fa gare ga batho o ka atlholwa, le mme  yo o itsholofetseng fa a goga a ka tlhatlhelwa mo toronkong go sireletsa lesea le a le imileng.

 

O supile gape fa batho ba ba dingwaga di masome mabedi le bongwe go ya kwa tlase ba sa letlelelwe go rekisa motsoko, le batsadi ba sa letlelelwe go gogela motsoko mo dikoloing fa ba pegile bana. 

 

Barekisi ba motsoko le bone ga ba letlelelwe go o bapatsa, o tshwanetse go rekisiwa ke motho yo o nang le teseletso ya go o rekisa le gore fa beng ba dikhamphani ba neela motho motsoko mahala go o rekisa, ba ka tseelwa teseletso.

 

Fa a afa bopaki, Rre Alex Malakaila o supile fa a gogile motsoko dingwaga di le 22, mme a ne a supa dikai tsa go lwala fa a le mo ngwageng wa bo 20.

 

O tlhalositse fa a ne a tlogela motsoko morago ga go bona setshwantsho sa motho yo a lwalang malwetse a a bakilweng ke go goga motsoko.

 

O supile fa go tlogela motsoko go le motlhofo fa motho a na le maikaelelo.

 

Banni ba ne ba lebogela thuto eo. Moithuti go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu Unified kwa Takatokwane, Legae Zondo o ne a batla go itse gore ke eng motsoko o letlelelwa mo Botswana mme o na le ditlamorago tse di maswe.

 

Fa a araba, Rre Rapalai o ne a supa gore go emisa selo se se ntseng se le teng go tlhoka thuto le gone go dira melao e e thata.

 

Mokhanselara wa pele wa Takatokwane/Dutlwe e bile e ne e le modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a kopa ba Stop Smoking Tobacco go tla ka lenaneo le le ka okang banana ka bontsi go ba ruta ka motsoko.

 

O supile fa Batswana ba le masome a le marataro mo lekgolong e le banana mme ba tshela ka go alola monate o o felelang o ba bolaya. 

 

O gakolotse banana go iphapha mo go nweng bojalwa le go goga motsoko. BOkhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Takatokwane

Event : Phuthego

Date : 23 Jan 2022