Breaking News

Dikago di santse di ka dirisiwa

23 Jan 2022

Maphata a puso a a nang le dikago tse di sa dirisiweng mo Ghanzi a kopilwe go di baakanya gore banana, ba-na-le bogole le bomme ba kgone go direla dikgwebo mo go tsone.

 

Mopalamente John Thiite o kopile jaana fa a ne alekola dikago tsa puso tse di sa dirisiweng bosheng. 

 

A re o setse a kopane le ba ba lebaganeng le dikago tseo, mme ba ne ba dumalana gore di tlaa baakanngwa gore di tle di thuse ba ba di tlhokang.  

 

Mopalamente o tlhalositse fa mo Ghanzi go na le letlhoko la lefatshe, ka gore toropo ya Ghanzi e dikologilwe ke dipolase, ka jalo tsone dikago tseo fa di ka tlhabololwa sesha, di ka thusa dikgwebo tse di potlana.

 

Mopalamente Thiite o kopile ditlhogo tsa maphata gore botlhe ba ba tshwanetseng go tla go dira dikgwebo mo dikagong tseo, ba rutuntshiwe gore kgwebo e raya eng mo matshelong a bone.

 

Rre Thiite a re fa go tla ka fa temong, go tshwanetse go tsewa batho ba ba tlhaloganyang temo e seng gore ba tsee mongwe le mongwe ntswa a sena nako le temo.

 

Mapalamente a re kgang ya gore morafe o ka kopanela  sengwe ga a e rate, ka gore bontsi jwa di ditiro tse di nneng di eteletswe pele ke morafe di sule, ka mabaka a gore mongwe le mongwe o ne a dira jaaka a batla.

 

Rre Thiite o ne a kopa bagolwane ba maphata a puso le ba khansele  go nna seopo sengwe fa ba tsena mo tirong e tshwana le eo, gore ba kgone go dira dilo ka nako.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Tekolo dikgaolo

Date : 23 Jan 2022