Breaking News

Mopalamente o rotloetsa tiriso ya mananeo nnn

23 Jan 2022

 Banni ba kgaolo ya Boseja Bokone kwa Mochudi ba rotloeditswe go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone. 

 

Erile fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Boseja Bokone bosheng, mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule a kgothatsa balemi go dirisa mananeo a tshwana le ISPAAD go nonotsha temo. 

 

Rre Pule o rotloeditse banni go sala morago diphuthego tsa komiti e e tlhophilweng go sekaseka molao-motheo, a re diphuthego tse di thusa setshaba go ipaya mo dinakong ka diphetogo. 

 

Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Boseja Bokone, Rre Kabelo Pilane a re banni ga ba jesiwe diwelang ke monko o o tswang kwa letamong la metsi a a leswe le le mo motseng. 

 

O supile fa koporase ya metsi (WUC) e sale e rerisitse fa go tlaa tshelwa dibolaya-megare mo letamong mme nako kgolo ke eno. Rre Pilane a re ditlhabologo di tsaya nako go tla mo kgaolong ntswa motse o gola. 

 

O kopile lephata la kabo-ditsha la Kgatleng go ntsha moalo wa kgaolo, a re se se ka thusa bogogi gore ba lemotshe bagwebi fa ba eletsang gore ditlhabololo di ka dirwa teng.

 

Fa atswa la gagwe, Rre Lopang Modise go tswa kwa WUC o kaile fa kompone e e kgophang seretse kwa letamong e tsweletse ka go dira tiro mme tsholofelo e le go wetsa ka Tlhakole kgotsa Mopitlo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Mochudi

Event : Phuthego

Date : 23 Jan 2022