Breaking News

Tladi e rathile moraka

23 Jan 2022

Tladi e batlile go tswala lesaka loora Osenoneng kwa morakeng wa Boingotlo gaufi le Maleshe mo Kgalagadi Borwa bosheng.

 

Mo potsolotsong le BOPA ka Labotlhano, mong wa dihutshane, Rre Orumilwe Osenoneng o boletse gore e rile ka Labobedi tshokologo legadima la itaya dihutshane tsa gagwe mme ga aswa di le masome mabedi le bone.

 

Rre Osenoneng o tlhalositse fa gone go phaphaletse, go sena pula mme e rile fela ba ntse ba ntse leru le lentsho la ikgobokanya fa godimo ga moraka wa gagwe, morago ga foo ga tloga ga wa sefako mme sa salwa morago ke mosarasarane.

 

A re e rile pula e sena go kgaotsa a fitlhela dipodi di lalaane ka fa tlase ga setlhare go lebega di rathilwe ke tladi.

 

O ne a tlhalosa fa dipodi tseo, tse a ditlhakanetseng le barwa rraagwe di ne dile masome a marataro le bone.

 

O tlhalositse gore fela fa ba utlwa legadima ba tsenwa ke tsebetsebe.

 

Morago ga tiragalo eo, o tlhalositse fa ba ne ba itsese bogogi mme ba tsaya tshwetso ya gore ba di tshube tsotlhe fa di neng di swetse teng.

 

Kgosi Gabriel Ntau wa Maleshe o tlhalositse gore selo seo se buseditse morui yoo morago ka go sena kwa a obang letsogo teng.

 

A re mo heletse a le tlhaeng ka dibetso tsa tlholego di kgona go tlogela motho a iphotlhere.

 

 Ka jalo o ne a kopa kemo-nokeng ya barui gore ba thuse boora Osenoneng ka mabogo dinku a a thebana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Maleshe

Event : Potsolotso

Date : 23 Jan 2022