Ba leboga Molaodi wa pele
23 Jan 2022
Go bereka ka boineelo le boikobo ke selo se se botlhokwa mo go rotloetseng tirisanyo mmogo le papogano mo gare ga badiri.
Se ke sengwe se molaodi wa pele wa kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Keolopile Leipego a kailweng ka sone mo moletlong wa tsamaya sentle bosheng.
Rre Leipego o tlogetse tiro bosheng mme badiri ka ene ba ne ba mo direla moletlo go mo lebogela ka fa a neng a dira le bone ka teng. Mongwe wa dibui, mogokanyi wa tsa botsogo mo Ngami, Dr Sandra Maripe-Ebutswe a re Rre Leipego, yo o simolotseng go berekela mo kgaolong e ka 2017, o supile boineelo jwa gagwe mo tirong.
Dr Maripe-Ebutswe a re Rre Leipego o ne a eteletse pele komiti e e lwantshang COVID-19 e bile o ne a bitsa komiti eo le ka mafelo a beke tota.
A re Rre Leipego o ne a eme ba botsogo nokeng ka dinako tsotlhe, mme seo sa ba tiisa mooko le ka nako e kgaolo e neng e na le dintsho tsa COVID-19 tse dinsti le go fitlhelela seemo se tokafala.
Mo go la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Petrus Tjetjoo le ene o ne a akgolela Rre Leipego go bo a ne a dira ka bonatla le boikobo e bile a tlotla le ba a neng a ba eteletse pele.
“Go ne go le motlhofo go ka bua le ene, a sena boikgokgomoso jaaka go twaelesegile ka baeteledipele bangwe,” a tshwaela. Mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo-ditsha la Tawana, Mme Reamogetswe Yakenge le ene o ne a kaya fa Rre Leipego e ne e le seikokotlelo sa bone.
Mopalamente wa pele wa Maun Botlhaba, Rre Konstantinos Markus o ne a kaya Rre Leipego e le motho yo o boikobo, a itse tiro e bile a le tlhaga.
Ka jalo, Rre Markus o ne a gwetlha Rre Leipego go tsweledisa seo le morago ga go tlogela tiro, bogolo jang mo go tsa temo-thuo.
Fa a tswa la gagwe, Rre Leipego o ne a lebogela dikakgolo le dimpho mme a solofetsa go tswelela a dira ka natla ka a santse a na le bokgoni. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Moletlo
Date : 23 Jan 2022