Breaking News

Seemo sa metsi kwa Kgalagadi se a tlhobaetsa

27 Mar 2014

Fa o tswa kwa molelwaneng wa Two Rivers mo Kgalagadi borwa o le mo tseleng e bontsi jwa yone bo ralalang noka ya Molopo, o tla a bona didiba di bapisitse tsela.

Noka eo gape e eta e ralala metse ya Kgalagadi borwa ka jalo motho o ka ipotsa gore beng ba didiba tseo ke eng ba ikgethetse go di epa di bapisitse tsela jalo. Kgosi Isaac Titus wa motse wa Struizendam o tlhalositse fa banni ba metse e e mabapi le noka ba epa didiba mo nokeng eo thata ka ke yone e ba nang le tshepo mo go yone gore e tla a ba fa metsi a a siametseng go nowa ke leruo la bone.

A re ga go motlhofo go bona metsi a a siameng ebile a se boteng thata fa ba epa kwa mafelong a mangwe ntleng le fa ba epa mo nokeng ya Molopo. Ka jalo botshelo bo nna bokete ka ba patelesega go ya ntlheng e le nngwe ya motse. “Rona re patelesega go ruela leruo la rona kwa borwa le kwa botlhaba ebile re tshoga gore go tloga go rotloetsa kgothego ya lefatshe”, ga bua jalo Kgosi Titus.

Kgosi Titus a re ba patelesega go lekanyetsa palo ya leruo ka ba a bo ba lebile gore ba setse ba le bantsi mo nageng e ba ruelang mo go yone. A re go epa sediba mo nokeng go bofefo ka o tshwara metsi sekgele sa dimithara di le masome a mararo go ya kwa go a mane mme fa o epa go sele ka lesego o kgona  go tshwara metsi mo selekanyong sa dimithara di le masome a marataro go ya kwa a ferabobedi.

Ka jalo Kgosi Titus a re ke ka lesego fela fa o ka tshwara metsi dimithara di le masome a marataro go ya go tse masome a ferabobedi. A re metsi a a epiwang kwa ntle ga noka ya Molopo a boteng fela thata ebile bontsi jwa one a letswai fela thata.

O boletse fa ba na le kgwetlho ya gore metsi a a kwa tlase ga lefatshe mo kgaolong ya bone a letswai fela thata mo motho a kgonang go epa makgetho a le mantsi a batla metsi a a phepa mme a tshwara a a letswai fela.  

O ne a ntsha matshwenyego a gore lefelo la bone la mafudiso le lennye fela thata mme ebile ga le a lekana banni ba metse e e tswang bontlheng jwa lefelo la Kgalagadi Transfrontier Park go ya kwa motseng wa Struizendam.

A re bontsi jwa banni ba itshetsa ka go rua dipodi, dinku, dikgomo, ditonki le dikgomo. Fa a lekodisa ka seemo sa metsi mo motseng wa gagwe Kgosi Titus o tsweletse ka go bolela fa metse ya Kgalagadi borwa e tshabelelwa ke go nna sebaka se seleele e sena metsi.

O tlhalositse fa mo motseng wa gagwe go na le didiba di le pedi, mme sengwe sa tsone sena le metsi a a letswai a nosang leruo, fa se sengwe se tswetswe ntateng ya go kgotlelesega mme se kile sa bo se dirisiwa go nosa morafe.

A re e le bogogi jwa motse ba kile ba ntsha mogopolo wa gore ba lephata la metsi la Water Utilities Corporation(WUC) ba baakanyetse morafe sediba seo gore morafe o kgone go nwa fa gona le bothata jwa metsi mo motseng mme nako kgolo ke eno. Rre Joel Kavari wa motse wa Omaweneno a re mananeo a puso e a rotloetsang gore morafe o inamole mo lehumeng a tshwana le la go lema merogo a retela ka go sena metsi.

“Nna ke bona go le botoka fa re ne re ka letlelelwa go ikepela didiba tsa rona ba re nang le bokgoni gore re kgone go nosa ba bangwe”, ga bua jalo Rre Kavari.

Mme Marry Rautenbach yo e leng mongwe wa maloko a komiti ya ditlhabololo kwa motseng wa Bokspits a re ba kgona go nna sebaka sa dibeke di le pedi ba sa bone metsi mme ba felele ba gelela mo sedibeng sa petse sa bogologolo se se mo motseng. A re ba lephata la metsi la WUC ba maoto a tshupa go ba itsise gore bothata bo ka tswa bo dirwa ke eng fa ba sa bone metsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : STRUIZENDAM

Event : Interview

Date : 27 Mar 2014